83% found this document useful (6 votes)
750 views

MOTSWASELE

The document describes the character development of Kgosi Motswasele from beginning to end. It depicts Motswasele initially abusing his power as chief by sending warriors to kill people for minor offenses and controlling other chiefs through violent means. However, over time Motswasele realizes the errors of his ways as his actions lead to conflict in the community. In the end, Motswasele acknowledges that being a good chief means respecting people's rights and governing through love, truth and fairness rather than violence and control.
Copyright
© © All Rights Reserved
Available Formats
Download as DOCX, PDF, TXT or read online on Scribd
83% found this document useful (6 votes)
750 views

MOTSWASELE

The document describes the character development of Kgosi Motswasele from beginning to end. It depicts Motswasele initially abusing his power as chief by sending warriors to kill people for minor offenses and controlling other chiefs through violent means. However, over time Motswasele realizes the errors of his ways as his actions lead to conflict in the community. In the end, Motswasele acknowledges that being a good chief means respecting people's rights and governing through love, truth and fairness rather than violence and control.
Copyright
© © All Rights Reserved
Available Formats
Download as DOCX, PDF, TXT or read online on Scribd
You are on page 1/ 25

Motswasele II: L.D.

Raditladi
1. Molaetsa
Molaetsa wa motshameko o ke gore fa motho a dira ditiro tse di
bosula o felela a tsene mo mathateng. Molaetsa o o senolwa ke
Motswasele ka ke ene a tseneng mo mathateng ka ntlha ya ditiro
tsa gagwe tse di bosula.
Motswasele o dira tiro e e bosula fa a roma batlhanka ba gagwe
gore ba bolaye batho ba morafe wa gagwe. O ne a roma
barongwa gore ba bolaye mogatse Moilwe, Maleke le ba
bangwe ba go tweng maboko a bone a ne a tletse mo dikgoreng
e kete maši a dikgomo tsa magapiwa. Se ke tiro e e bosula ka
gore o utlwisa batho botlhoko e bile go bolaya motho ke selo se
se sa letlelesegeng ka go bonwa e le go leofa gape ke molato o
motho a ka atlholelwang botshelo jotlhe mo kgolegelong.
Motswasele o tswelela a dira tiro e e bosula ka go nyatsa batho
le go ikgantsha jaaka a ne a ipitsa mong wa mmu le gone gore o
tsamaisa noga ya robolo. A re ga a reetse batho ba mo setse
morago, ga a bone batho ka sepe. Ke tiro e e maswe ka jaana
mo go ene ga ba na mosola, ke di dirisiwa fela mo go ene.
O dira tiro e nngwe e e maswe ya go itlhokomolosa dikgakololo
tsa ba bogosi. O ne a ikgatlholosa dikgakololo tsa ga
Moruakgomo le Sejo ba re a lese go bu sa ka tšhaka mme a
reetsa Molotlhanyi, Leapeetswe le Diratsagae ba re a letse
lonaka lwa bogosi a kubetse borangwaneagwe dikgopo, a buse
ka ntswe la tladi. E ke tiro e e maswe ka gore ke go nyenyafatsa
boralekgotla le go gataka tsamaiso ya bogosi ka dinao.
O dira tiro e e bosula ka go leka go kgwathisa batho ba se na
molato. O ne a dumelana le malope a gagwe e bong
Molotlhanyi, Leapeetswe le Diratsagae gore go bitswe phuthego
mme Moruakgomo le Sejo ba buisiwe jaaka go ratwa gore ba
ngongorege, e re ba dira jalo ba bo ba kgwathisiwa.Se ke tiro e
e maswe ka jaana a kgokgontsha le gone go ba tlhokela maitseo.
Motswasele o tsena mo mathateng ka ntlha ya ditiro tse di
bosula tse a di dirileng. O tsena mo mathateng fa morafe o
kgaogana ka makgamu a mabedi. Go na le lekgamu la ga Kgosi
Motswasele le la ga Moruakgomo. Se ke mathata ka jaana go
nna thata go laola morafe.
Kgosi o tswelela a tsena mo mathateng a go ilwa ke morafe le
go nyatsega. Re utltwa a re dilo tsa borena mo go ene di dule
mme boemomg jwa tsone go setse kilo le phutsako le gore leina
la gagwe le nkga mo melomong ya batho ba gagwe. Sebolai o ne
a mmona e le sematla sa bofelo. Se ke mathata ka gore ga ba
mmone e le motho wa sepe, seriti se a neng a na le sone se ole.
Mathata a gagwe a golela pele fa boMoruakgomo ba bolotsa
letsholo la ntwa kgatlhanong le ene mme mephato ya gagwe ya
fenngwa. O sala a tlhomola pelo a re ba monne mophato wa
gagawe jaaka moretologa mme o felela le ene a lobetswe dintsi
ke Moruakgomo ka go mo tlhaba ka lerumo. O swa leso le le
botlhoko. Se ke mathata ka o swa jaana a bogile.
Mathata a mangwe ke fa batho bangwe ba lekgamu la gagwe ba
mo itlhotlhora. Morongwa wa gagwe o ne a tsamaela ruri ba
sena go rongwa go ya go gapela mogatsa Moilwe dikgomo
mme a ya go raya boMoruakgomo a re ba dire sengwe ka
kgokgontsho e e dirwang ke Motswasele. Molotlhanyi le ene fa
ntwa e simologa o tshabela kwa mophatong wa ga
Moruakgomo. Se ke mathata ka tota batho ba ke ba a neng a ba
ikantse go mo thusa go kgokgontsha batho.

2. Ipee mo seemong
Nna ke le kgosi Motswasele ke ne ka itsenya mo mathateng ka
go nna kgosi ya mokgokontshi, ke sa reetse dikgakololo tse ke
neng ke di fiwa ke ba bogosi. Ke ne ke tseela gore go gataka
ditshwanelo tsa batho ba morafe wa me ke gone jaaka ke supa
bogosi kante ga ke itse gore mogoa dira o a bo a di ikgoela. Ke
ne ke itibaditse gore kgosi thotobolo o olela matlakala. Jaanong
ke thantse lomapo lo le tsebeng, morafe wa me o ntsosologetse
mme mephato ya me e a fenngwa, ke lebaganwe ke loso. Ke ene
moipolai yo o sa lelelweng.
Ke utlwa botlhoko ka go bo ke ne ke le setlhogo. Ke supile
bosetlhogo fa ke ne ke roma barongwa go ya go bolaya mogatsa
moilwe, maleke, k aroma boDiratsagae go ya go bolaya boora
Ramdi. Batho ba Modimo ba ne ba se na molato o ba o dirileng,
sa me e le go dirisa dithata tse di sa lolamamg tsa bogosi.
Ditiragalo tse ke tsone di tlogileng tsa kgopisa batho ba morafe
mme ba ntwantsha. Gompieno kef a mo ntweng e e leng gore le
yone e a ntatlhegela.
Ke futsafadiwa ke go bo ke ne ke le kgosi ya seeleele/ sematla.
Ke ne ke reetsa dikgang le dikgakololo tse di bosula tsa ga
Molotlhanyi le Diratsagae tsa gore ke bolae masika a me.
Jaanong kef a ke mo dipharagobeng ke le esi, bone b aba neng
ba nthotloetsa go dira bosula ba ntshabetse.
Rurik e a ikotlhaya go bo ke ne ke le tlhogoethata. Ke ne ka
ikanya go reetsa dikgakololo tse di bosula tsa boMolotlhanyi go
na le tse di molemo tsa ga Moruakgomo le Sejo. Ba ne ba
nkgakolola gore ke buse morafe sentle ke lese go bolaya mme
ka se k aka reetsa ka ke ne ke tsaya gore b aba tla go nthuta
bogosi. Segokotlo le ene o ne a rongwa go tla go kopa kagiso
mme le gone ka gana kopo eo. Botlhogoethata ga bo a ka jwa
mpusetsa sepe fa e se ntwa e e leng gore le yon eke e e
mpalatse. Ke tlhotswe ke bogosi.
Ke ikutlwela botlhoko ka go bo ke ne ke le kgosi e e se nang
tebelopele. E ne ya re Moruakgomo le Sejo ba mpontsha tsela
ya boammaaruri ka ikanya Molotlhanyi le Diratsagae ba
dikgakololo tsa bone di neng di se na mosola. Ke ne ke bolaya,
ke kgerisa batho ba morafe wa me ke sa ele tlthoko gore le bone
ke batho ban a le maikutlo a go ka ipusolosetsa ka lengwe la
malatsi. Dikgakololo tsa ga Moruakgomo le Sejo ke ne ke bona
e le sekgoreletsi mo mmusong wa me. Gompieno a mpheletse a
le tlhaeng, morafe o thubagane, nna ke setse mo legoeleleng.
Ke boa ke ikotlhaela go nna pelotshetlha. Ke ne ka gapela
mogatsa Moilwe dikgomo mm eke na le tsa me, ka gapela batho
ba morafe wa me basadi ke re ke supa fa ke le Kgosi go se na yo
o ka ntheng sepe ka ke ne ken a le dithata tse di fetang tsa bone.
Ditiro tse tsa bopelotshetlha ke nngwe ya ditiragalo tse di neng
tsa ntsalela kilo/ letlhoo le le neng la gogela kwa ntweng e ke
leng mo go yone gompieno.
Ke a lemoga jaanong gore maemo/ bogosi ga se go gataka
ditshwanelo tsa batho ba bangwe. Kgosi ke kgosi ka batho, e bus
aka kelelelo , lorato le boammaaruri mo bathong bay one.
Go lona dikgosi kgotsa ope fela yo o ka tswang a eteletse batho
pele ke le gakoloa gore botlhale bo j among wa jone jaanong e
re le eteletsepele jalo rekegelang maikutlo a batho ba le ba
eteletseng pele.

Tseela gore o Moruakgomo morago ga go fenya Kgosi


Motswasele mme o kwale se a neng a ka se bua le Morafe wa
gagwe.
Nna ke le Moruakgomo ke ne ka itlhophela go lwela
kgololesego ya me le Bakwena ba bangwe. Ke ne ka ralala
dikgwetlho tse di neng tsa nkgoreletsa mo go gololeng morafe
mo pusong ya kgokgontsho ya ga Motswasele. Jaanong ke fano,
maikaelelo a me a diragetse, Motswasele ke mo fentse.
Ke a ikakgola nna Moruakgomo go bo ke ne ke le e motho yo o
lorato/ kutlelobotlhoko. E ne ya re ke sena go utlwa kgang ya
gore mogatsa moilwe o tlile go bolawa fa a ka gana ka dikgomo
tsa gagwe ka bua le ene ke mo ke mo kopa gore a di tlogele go
na le go ikanya go di swela. Ke ne ke dirisiwa se ke lorato/
kutlwelobotlhoko e ke nang le yone mo bathong ba morafe wa
Bakwena. Ke ne gape ke utlwa botlhoko go bona go bona
Bakwrna ba bogisiwa ba se na molato mme ka ikaelela go ba
ntsh mo pogisegong e bam o go yone. Gompieno kef a,
Motswasele ke mo tlositse lefatsheng.
Ke iteboga go menagane ka ke ne ken a le tebelopele. Le fa
Motswasele a ne a tshabega jaaka tau,ke ne ka nna mo go ene ka
dikgakololo tse di neng di le molemo. Ke ne ka mo gakolola
gore a lesa go bolaya a buse ka kagiso ka gore ka moso go tlaa
bo go ipolaile ene ka batho ba a ba bolayang e le masika a
gagwe. Dikgaklolo tse fa a ne a di tsere re k abo re sa goroga
mo ntweng e e leng gore jaanong e gapetse ene botshelo.
Ke a itumela ka ke ne ke le botlhale. E ne ya re Molotlhanyi a re
o nja ka loleme gore ke tseye bogosi jwa ga Motswasele,ka pala,
ka mo tlhalosetsa fa bogosi bo lebagane Motswasele nna ke le
mogakolodi fela wa Kgosi. Ke ne ka se kaka nna magalamasuke
ka dirisa botlhale jo e leng gore le fa gompieno ke fentse
Motswasele, mongwe le mongwe o tlhaloganya sentle fa ke ne
ke sa lwele setilo sa bogosi ke ne ke le mo go gololeng Bakwena
mo botshwarong jwa ga Farwe.
Ke ne ke le boitshoko/ pelokgale. Ke ne ka gakolola kgosi
motswasele gore a buse dentle mme a pala. A mpega melato e
ke sa e itseng mme ka tswelela fela ka dikgakololo,le fa re
yantwengmophato wa me o ne o romile Segokotlo go ya go
kopa kagiso. E ne ya re jaanong fa maano otlhe a pala ya nna
gone re bpotsang ntwa kgatlhanong le ene. Kwa nteng ke ne ka
lebagana le ene ka sebele mme ka motlhaba ka lerumo. Se ke a
se ikakgolela ka ke dirile tiro e nntle.
Ke ithutile gore mmtla kgwana yaabo gas we lentswe.
Kgololesego e ke neng ke e batlela morafe wa Bakwena e ne ya
nna teng. Boitshoko/ bopelotelele bo a busetsa.
Ke ka gakolola lona ba le tshelelang mo kgokgontshong gore le
se ka la fela pelo fa le batla kgololesego. Dirisa tlhaloganyo ya
gago sentle go bona gore ditshwanelo tsa gago di a diragadiwa.
3. Phetogo ya botho
A mokwadi o kgonne go supa kwelotlase,itharabologelo le
kgolo mo go kgosi Motswasele.
Mokwadi ga a supa kwelotlase le kgolo mo bothong jwa ga
Motswasele, o supile itharabologelo fela. Mokwadi o supa kgosi
Motswasele ka botho jo bo sa siamang go tswa kwa
tshimologong go ya kwa phelelong ya motshameko.
Mokwadi o supa Motswasele ka botho jo bo sa siamang ka a le
sematla. O supile boeleele ka a ne a itlhokomolosa/ ikgatlholosa
dikgakololo tse di molemo tsa ba bogosi a ikanya tsa
boMolotlhanyi. O itlhokomolosa Sejo le Moruakgomo fa bam o
gakolola gore a lese go bus aka tshaka. O reetsa batlhanka ba
gagwe b aba reng a rukutlhe borangwaneagwe e bile a buse ka
ntswe la tladi.
Mokwadi o tswelela a mo supa a sa fetole botho jo bo sa
siamang ka a le sefafalele. O sefafalele ka o tsaya ditshwetso ka
magatwe a a a bolelelwang ke batlhanka mme a sa rurifatse
bonnete jwa kgang. E ne ya re a utlwa boMolotlhanyi ba re
banaba ga Ramodi ba re puso ya gagwe e a patika, a laolwa gore
ba bolawe a ise a bue le bone ka kgang e a e utlwang gotwe ba a
e bua.
O supiwa ka botho jo bo sa siamang gape ka e le kgosi e e se
nang tebelopele. O ne a bolaya batho ba morafe wa gagwe,
bangwe e le masika a gagwe a sa akanyetse ditlamorago tsa
teng. O bua gore “ka Bakwena le tla ntwela ke boifang”. Tota o
tlaabo a tlamelwa ke mang ka a ba tseneletse ka go ba bolaya.
Ga a na tebelopele gape ka a sa ikakanyetse sepe a utlwa fela ka
Malope a gagwe . Ga a lemoge borai jwa go busa fela
letlhakore la boMolotlhanyi a kgaphetse ntle bagakolodi ba
bogosi.
Mokwadi o ntse o mo sup aka botho jo bo sa siamang ka a le
pelotshetlha. Ke motho yo o sa kgotsofaleleng sea nang le sone.
O ne a na le dikgomo mme a roma barongwa gore ba ye go gapa
tsa ga mogatsa Moilwe ka a ne a batla gore sengwe le sengwe se
bonelwe mo go ene. O pelotshetlha gape ka a ne a tseela batho
basadi.
Mokwadi o ntse o supa Motswasele ka botho jo bo sa siamang
ka a le tlhogoethata. Ke kgosi e e neng e sa reetse dikgakololo
tsa batho ba bogosi. Sejo o ne a mo gakolola gore a seka a
bolaya bana ba ga Ramodi mme a tswelela a roma barongwa
gore ba ye go ba bolaya. Fa Segokotlo a romilwe go ya go kopa
kagiso le gone ga a reetse, a ikanya ntwa.
Mokwadi o ntse o supa Motswasele ka botho jo bo sa siamang
ka a lemabela/ boikgogomoso/ maikgantsho. O supa se fa a
mmu oo gatiwang ke wa gagwe, ga a laolwe ke morafea o dirile
e bile ga a reetse batho ba mo setse morago. O tswelela gape a
supa mabela fa a re Sejo ga a kake a mo ruta bogosi e le ene
kgosi.
Mo godimo ga moo o mo sup aka botho jo bo sa siamang ka a le
setlhogo. O laola gore gore batho ba morafe wa gagwe ba
bolawe mme ba se na molato. O ne a laola gore Mogatsa
Moilwe, bana ba ga Ramodi , Moruakgomo le Maleke ba
bolawe.
Le fa go ntse jalo, mokwadi o supa Motswasele a
itharabologelwa. O ne a lemoga gore o ntse a dira diphoso. O
mo supa a ntsha ka kgapha sa molomo gore o gakologelwa
mafoko a ga Sejo a kgakololonako ya fa Moruakgomo a mo
tlhaba ka lerumo kwa ntweng.
Mokwadi ga a fa Motswasele sebaka sa go fetoga morago ga go
itharabologelwa ka o ne a tlhokafala. Ka jalo ga a na kgolo mo
bothong jwa gagwe.
*A mokwadi o kgonne go supa phetogo ya botho mo go
Moruakgomo
Mokwadi ga a kgona go supa phetogo ya botho mo go
Moruakgomo . ga a supa kwetlotlase, itharabologelo le kgolo ka
e le motshameki wa botho jo bo amogelesegang go tswa fela
kwa tshimologong go ya kwa phelelong ya motshameko.
Mokwadi o supa Moruakgomo a na le botho jo bo
amogelesegang ka a le lorato/ pelontle. O kaile lorato lwa
gagwe fa a tsaya tshwetso ya go lwela Bakwena kgatlhanong le
kgosi ya bone e e neng e ba kgokgontsha. O le supile gape fa a
ne a kopa mogatse Moilwe gore a sie a tshabe barongwa ba ba
romilweng go mo gapela dikgomo go na le go batla go swela
leruo.
O mo supa gape a na le botho jo bo sa fetogeng a na le botho jo
bo sa amogelesegeng ka a le botlhale. O supa botlhale jwa
gagwe nako e Molotlhanyi a neng a re o mo j aka loleme a re
bogosi bo a mo tshwanela mme a se ka a dumelana le ene a
mmolela fa bogosi e le ja ga Motswasele.
Mokwadi o tswelela a mo supa a ntse a sa fetole botho jo bo
amogelesegeng a le pelotelele. O ne a gakolola Motswasele ka
ditiro tse di bosula tse a di dirang a sa mo felele pelo. Le
morago ga Motswasele a a batla go mo kgwathisa ga a ineele o
tswelela a thama mephato le Maleke gore ba lwantshe
kgokgontsho e bam o go yone.
O supa gape gore ga fetole botho jo bo amogelesegang ka a na le
tebelopepe/ ponelopele. O ne a gakolola Motswasele gore go
bolaya batho ba bangwe ga go a siama ka go ka mmusetsa tse di
bosula. O ne bua se a labile gore fa Motswasele a ka tswelela a
kgokgontsha batho b aka nna le gone go ka ipusulosetsa.
O fetsa ka go tswelela a mo supa a ntse a sa fetolebotho jo bo
amogelesegang ka a le boikanyega. Ga a ka a siya le dikgang
tsa ga Molotlhanyi tsa gore bogosi ke jwa gagwe mme a
mmolelela fela se e leng nnete gore bogosi ke jwa ga
Motswasele e seng ene. O ne a tlhalosa gore bogosi ga bo mo
rone mme setilo sone ga se sa gagwe sag a ngwana wag a
Legwale e bong Motswasele.
Moruakgomo o goroga jalo kwa bokhutlong a ntse a na le botho
jo bo amogelesegang, ke sone se go se nang itharabologelo le
kgolo.

4. Paka le lefelo
Dirisa ditiragalo tsa motshameko o go sup aka fa ditiro tsa
batshameki di tsamaelang kana di sa tsamaelaneng ka teng le
paka le lefelo tsa motshameko.
Paka ya motshameko o key a segologolo fa lefelo e le legae le le
sa tlhabologang la Mokwena. Ditiro tsa batshameki di
tsamaelana le paka le lefelo ka bogosi bo tsalwlwa, botshelo
bikaegile ka kgomo, bagakolodi ba kgosi e le borangwaneagwe,
tumelo mo diponatshegong/ botlhodi, kgosi e na le dithata tse di
feteletseng le tiriso ya bongaka jwa setso.
Mo pakeng ya segologolo le mo legaeng le le sa tlhabologang
bogosi bo a tsalelwa. Go maleba go bo bo tserwe ke Motswasele
morago ga loso la ga rraagwe e bong Legwale. Motswasele o
tsaya bogosi jo ntswa go itshupa fa a sa nonofa go bo tsaya ka
ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di maswe tsa go bus aka patiko fela
ka gore ke jwa gagwe. Moruakgomo o gatelela se fa a raya
Molotlhanyi a re Legwale o a tshela, ka a tlogetse ngwana wa
lekau yo bogosi bo mo lebaneng a raya gore bogosi jwa ga
Motswasele ka a bo tsaletswe. Se serotloediwa ke paka ya
segologolo le lefelo la legae le bogosi bo fiwang ngwana wa
ntlha wa mosimane wa kgosi fa rraagwe a hulara.
Mo pakeng ya segologolo le lefelo la legae le le sa tlhabologang
batho ba beile botshelo mo kgomong. Ga go rone gore mogatsa
Moilwe a bo a ne a ikanya go swela modikgomong tsa gagwe fa
Motswasele a re barongwa ba di gape. O bua gore dikgomo tsa
gagwe ga di gapelwe go se na morero le gone di tlaa gapiwa a
sule. O dira se a tlhaloganya sentle gore ntle le tsone botshelo
botlaabo bo seyo ka a tshela mo pakeng ya segologolo le legae
le mo go lone kgomo e leng yone botshelo.
Mo pakeng ya segologolo le mo legaeng le le sa tlhabologang
bagakolodi ba kgosi ke borangwaneagwe. Ka jalo go maleba go
bo Moruakgomo le Sejo bas a ipone tsapa go galolola kgosi fa a
tswa mo tseleng. Sejo a re e rile fa a re kgosi a itlhokomele a bo
a sa reye gore a bolaye batho. Moruakgomo ene a re go batla go
bolaya ban aba ga Ramodi gag a Motswasele ke moka go ipolya
ene. Maleke ene o ngangorega gore kgosi ga e mo rerise sepe o
utlwela dikgang mo motseng. Batho ba dira jaaana k aba tshela
mo pakeng ya segologolo le mo legaeng le le tlamang gore e nne
bagakolodi ba kgosi ka e le ba losika la bogosi.
Mo pakeng ya segologolo le legae le le sa tlhabologang kgosi e
ne e na le dithata tse di feteletseng e bile di reediwa/ obamelwa.
Ga go gakgamatse go bo Motswasele a kgona go laola gore
batho ba bolawe jaaka mogatse Moilwe yo o neng a bolaelwa
go gana ka dikgomo tsa gagwe le maleke yo o gotweng o senya
motse ka diphuthego tsa masigo. Barongwa ba obamela taolo e
ka go bob a itse gore paka e ya segologolo le legae le le sa
tlhabologang le le fang dikgosi dithata tse di feteletseng tse di
tshwanetseng tsa tlotlwa.
Mo pakeng ya segologolo le mo legaeng le le sa tlhabologang go
dumelwa thata mo diponatshegong/ botlhodi. Ga go makatse go
utlwa Senese a re dinku di ne di lelela dikonyana bosigo mme
ditlhare di tsebeetsega, fa merubisi e lela bosigo a bo a re di
tlhola kutlobotlhoko ka go bo a tshelela mo pakeng e go
dumelwang gore ditiragalo tsa go go nna jaana di a bo di kaya
sengwe.
Mo pakeng ya segologolo le lefelo la legae le le sa tlhabologang
bongaka jwa sets obo tlwaelesegile. Go a tsamaelana go bo
kgosi Motswasele abiditse ngakaya setso go mo thusa go bolaya
Maleke. O dira se a rotloediwa ke paka le lefeo le a mo go lone
le thuso kana mathata a botshelo a rarabololwang ke dingaka tsa
setso.
5. Seabe sa baanelwa
Motswasele
Supa ka fa Motswasele a rotloeditsengka teng tswelelo ya
ditiragalo tsa motshameko.Motswasele o na le seabe mo
tsweletsong yaya ditiragalo tsa motshameko. O rotloeditse go
tlhaselwa ga ban aba ga Ramodi,go tshelela mo letshogong ga
morafe wa Bakwena, dintsho tse di nnileng teng,go lthanogelwa
ke barongwa, go kgaogana ga morafe le loso la gagwe.
Kgosi Motswasele o rotloeditse go tlhaselwa ga ban aba ga
Ramodi.E ne ya re morago ga gore Motswasele a gakololwe ke
Sejo gore a itlhokomele mo bathong bag a Ramodi, a ntsha taolo
ya gore ba bolawe.Barongwa ba ne b aba tshubela matlo b abo b
aba koba mo motseng.
O rotloeditse gape letshogo mo morafeng wa Bakwena.
Motswasele o ne a kgokgontsha batho ba morafe wa gagwe ka
go ba bolaya,a ba gapela dithoto tsa bone e bile bangwe a ba
naya melato e bas a e dirang. Moruakgomo a re ga go na
botshelo mo go bone ba tlaa swa botlhe ba nyelela. Bakai fa a
bua le boMoruakgomo o ba raya a re ba sie ka tota malatsia
motho o kgona go ipona a seka a sa itse motshwari wa
gagwe.Dipolao tse le yone kgokgontsho ya felela e dira gore
batho ba nne ba tshogile.
Motswasele o na le seabe mo dintshong tse di nnileng teng mo
morafeng wa gagwe. O ne a roma barongwa go ya go gapa
dikgomo tsa ga Mogatsa Moilwe mme e re a gana ba mmolaye
mme ba dira fela jaaka ba laetswe. O ne gape a roma Diratsagae
go ya go bolaya Maleke ka ntsa e khonou ka a ne a re Maleke o
mo senyetsa motse ka diphuthego tsa masigo.
Ke ene a dirileng gore barongwa ba mo tlhanogele. O ne a ba
roma go ya go bolaya Mogatsa Moilwe kwa morongwa wa
gagwe yo motona a neng a tsamaela ruri a sa battle go ikamanya
le polao ya motho. Morago a ba roma gape gore ba ye go bolaya
Moruakgomo mme ba botsa gore a tiro ya bone ke go bolaya.
Boemong jwa go bolaya Moruakgomo ba mmolelela gore gatwe
ba mmolae.
Ke ene gape a dirileng gore morafe wa Bakwena o kgaogane ka
makgamu a mabedi, go na le la gagwe le la ga Moruakgomo.
Motswasele o ne a kgokgontsha Bakwena mme e re a gakololwa
ke ba bogosi boMoruakgomo le ba bangwe a bo a sa reetse.
Kgokgontsho e ya dira gore jaanong Bakwena ba kgaogane,
bangwe ba mo sale morago fa ba bangwe ba lwela kgololesego,
bone ba ne ba sala Moruakgomo morago.
Ke ene a ipaketseng loso. E ne ya re morago ga go kgaogana ga
morafe, lekoko la balwela kgololesego la roma Segokotlo go ya
go kopa kagisano kwa go ene. Motswasele o ne a gana a batla go
tliwa ntweng. Kwa ntweng, mephato ya gagwe e a fenngwa, o
sala a lebagane le Moruakgomo yo o mo tlhabang ka lerumo
mme a tlhokafala.
Moruakgomo
Moruakgomo o na le seabe se segolo mo tsweledisong ya
ditiragalo tsa motshameko. O na le seabe mo losong la ga
Motswasele, go kgaoganeng ga morafe wa Bakwena, ntweng e e
nnileng teng, go ratiwa ke batho, go ilwa ke Motswasele.
Moruakgomo o na le seabe mo losong la ga Motswasele. O ne a
tshela ka go gakolola Motswasele gore a buse morafe sentle a
emise go o kgokgontsha mme Motswasele a tswelela fela. O ne
a laola gore bana ba ga Ramodi ba bolawe, Mogatse Moilwe le
ene a bolawa. E ne ya re morago ga loso lwa ga Maleke le le
lone e neng e le taolo ya ga kgosi Moruakgomo a ema ka dinao
ba tlhama mophato wa balwela kgololesego kwa a neng a nna
moeteledipele. Ba ne b aroma segokotlo go ya go kopa kagiso
mme kgosi a pala. Morago ga tlhatlhagoga ntwa kwa
Motswasele a neng a rakana le Moruakgomo mme a mo tlhaba
ka leruno a bo a neela mowa.
O na le seabe gape mo go kgaoganeng ga morafe. E ne ya re a
bona gore kgosi ga a na maikaelelo a go ba busa sentle a
dumelana le Maleke gore ba emise kgokgontsho e Bakwena ba
tshelelang mo go yone. Ene le Maleke, Segokotlo batswa mo go
Kgosi Motswasele, ba itirela mophato wa bone ga nna le b aba
salang le Motswasele jaaka boMolotlhanyi.
O na le seabe mo ntweng e e neng ya nna teng mo morafeng wa
Bakwena. E ne ya re Moruakgomo a kokonelwa ke
manokonoko a kgokgontsho a dumelana le Maleke gore o tla
etelela pele
mophato wa bone o o batlang go busiwa ka kagiso.
Moruakgomo le mophato wa gagwe ba ne b aroma Segokotlo
go ya go kopa kagiso mme kgosi a gana a re o ba batla mo
ntweng, kgang e ba neng ba e amogela ka diatla tsoo pedi mme
ga iwa tlhabanong.
Ke ene a ipaketseng seriti/ go ratiwa ke batho. Moruakgomo e
ne e le motho yo o lorato, yo o botlhale, a sa rate go bona ope a
sa busiwe sentle. Maleke o ne a re o belaela a le botlhale jaaka
rraagwe. Motswasele le ene o ne a bua gore ba ba neng ba
tshelela mo kgokgontshong bam o rate/ ba mo tlotle.
Ke ene a ipaketseng go ilwa ke Motswasele. E ne e le motho yo
o lerato e bile a le botlhale, batho ba morafe wa Bakwena ba
mo ratela selo se. Jaanong ka Motswasele a nen a le lefufa a
simolola go mo ila, a laola le gore a bolawe. Fa polao e sena go
pala a mo iphetlhela gore a tle a mo kgwathise a sena go laela
BoMolotlhanyi gore ba mmuise jaaka ba rata gore a ba arabe a
bo a mo tshela dithupa.
Molotlhanyi
Molotlhanyi o na le seabe mo tsweletsong ya ditiragalo tsa
Motshameko o. O na le seabe mo go kgokgontshiweng ga
Bakwena ke Kgosi Motswasele, dikgotlhang tse di nnileng teng
mo motseng, go tshelela mo letshogong ga morafe, go tshelela
mo letshogong ga morafe, go kgwathisiwa ga ga Sejo le
Moruakgomo, go sotlwa ke mophato wa ga Moruakgomo.
Molotlhanyi ke ene a rotloeditseng Motswasele go kgokgontsha
batho ba morafe wa gagwe. O ne a tsaya dikgang tse e seng tsa
boammaaruri a dsi isa kwa go Motswasele. O ne a akela
Moruakgomo kwa go kgosi a re o rile ga a buse sentle e bile
bogosi boa morona nntswa e le ene a neng a raya Moruakgomo
a re bogosi ke jwa gagwe. O ne gape a akela batho boora
Ramodi a re ba rile bogosi jwa gagwe bo a patika. F a kgosi a
utlwa dikgang tse a ntsha taolo ya gore batho booraRamod le
ene Motswasele ba bolawe.
Molotlhanyi ke ene a rotloeditseng dikgotlhang tse di nnileng
teng mo morafeng wa Bakwena. Ke ene a neng a akela
Bakwena mo go kgosi. O ne a akela ban aba ga Ramodi a re ba
re bogosi jwa ga Motswasele bo a patika,o pateletsa ga
Moruakgomo a re o rile bogosi ke jwa gagwe. Dikgang tse di ne
tsa tena Motswasele mme a kgokgontsha batho ba morafe,
morago le bone ba simolola go ngongorega, ba ithamela
mephato ya bone le moruakgomo. Selo se sa go gela kwa
ntweng e e neng ya nna teng gareng ga mephato ya ga
Motswasele le ya ga Moruakgomo.
O na le seabe mo letshogong le batho ba motse ba neng ba
tshelela mo go lone. Molotlhanyi o ne a tshela ka go akela batho
mo go kgosi mme e re a di bolelelawa jalo a bo a tsya ditswhetso
tse di bosula tsa gore batho ba bolawe a sa tlhomamisa bonnete
jwa kgang. Selo se sa tsala letshogo mo bathong ka le Bakai o ne
a supa gore motho o kgona go ipona a seka a sa itse motshwari
wa gagwe.
O na le seabe mo go fenngweng ga mephato ya ga
Motswasele.E ne ya re go iwa kwa ntweng Motswasele a ala
mephato ya gagwe a ne le Molotlhanyi. Morago Molotlhanyi a
tshabela motswasle mme a ya kwa mophatong wag a
Moruakgomo go ba bolelela gore mephato ya ga Motswasele e
adile ntwa jang.Se se ne sa dira gore boMoruakgomo ba fenye
motlhofo k aba ne bay a tlhabanong ban a le kitso ya gore b aba
tlhabanang le boone ba ipaakantse jang.
Ke ene a dirileng gore Motswasele a tlhanogelwe ke batho. O ne
a bua maaka ka batho ba morafe wa gagwe. Motswasele a
kgokgontsha batho ka ntlha ya maaka a a neng a a bua. Fa batho
ba bona ba sotliwa ba fetogela Motswasele, bangwe ba sala
Moruakgomo ka ene a ne a sa battle go thwarwa ka letsogo la
molema.
Leapeetswe
Diratsagae

6. Tsalano ya ditiragalo
Supa ka fa ditiragalo tsa botlhokwa tsa motshameko di
rotloetsanang ka teng.
Ditiragalo tsa motshameko o di tsetswe ke go bo Motswasele a
ne a reetsa dikgakololo tse di bosula tsa batlhanka ba gagwe bo
Molotlhanyi, Diratsagae le Leapeetswe a ikgatholosa tsa ba
bogosi boSejo le Moruakgomo. O reetsa Molotlhanyi fa a mo
raya a re batho booraRamodi ba re bogosi jwa gagwe bo a patika
mme ga a reetse Moruakgomo fa a re go busa ga se go
kgokgontsha batho.
Go reetsa maaka a batlhanka ba gagwe go šakgatsa Motswasele
mo a tenegelang ba bogosi a bo a re booraRamodi ba ye go
bolawa. BoMolotlhanyi ba ne ba ya go tlhasela bana ba ga
Ramodi, ba ba tshubela matlo ba bo ba ba koba mo motseng.
Go batla go bolaya bana ba ga Ramodi go baka gore ba bogosi
bogolo jang Moruakgomo le Sejo ba ngongoregele tiragalo eo.
Sejo o ne a tlhalosa gore batho ga se diphologolo e bile
mojamotho ga se motho sebatana.
Dingongorego tse tsa bogosi di baka gore Motswasele a šakgale
le go feta mo a romang barongwa gore ba ye go gapa dikgomo
tsa mongwe wa ba bogosi e leng mogatsa Moilwe le gore fa a
gana ka tsone a bolawe. Barongwa ba ne ba dira fela jalo ba
mmolaela mo dikgomong tsa gagwe ka a ne a gana ka tsone.
Maleke ene o ne a romelwa Diratsagae ka ntša e khunou gore e
mmolaye.
Polao ya ga mogatsa Moilwe e baka gore ba bogosi ba tsosolose
mephato. Maleke o ne a kopa Moruakgomo gore a nne
moeteledipele wa mephato e.
Go tsosolosiwa ga mephato go rotloetsa gore Motswasele a
bolaye Maleke. Fa a sena go utlwa ka mephato a ya kwa
ngakeng e e neng ya roma Diratsagae ka ntša e khunou go
bolaya Maleke mme ga nna fela jalo ka a ne a re Maleke o mo
senyetsa motse ka diphuthego tsa masigo.
Go bolawa ga ga Maleke go baka gore mephato ya ga
Moruakgomo e rome Segokotlo go ya go kopa kagiso mme
kgosi a gana. Fa Segokotlo a romilwe go ya go kopa kagiso
kgosi Motswasele ga a dumelane le bone a re o ba batla kwa
ntweng.
Go gana kopo ya kagiso ga ga kgosi Motswasele go baka gore
mephato ya ga Moruakgomo e bolotse ntwa kgatlhanong le
Motswasele kwa a feletseng a bolailwe ke Moruakgomo a re o a
itlhabanela ka mephato ya ga Moruakgomo e ne e gaitse ya ga
Motswasele. Kwa ntweng Motswasele o lebagana le
Moruakgomo yo o mo tlhabang ka lerumo mme a neela mowa.

7. Thulaganyo ya ditiragalo
O itebagantse le ditiragalo tsa motshameko, senola tshimologo
ya marara, tsweletso ya one gammogo le phelelo ya one.
Kgwetlho ke fa Motswasele a tsaya dikgakololo tse e seng tsone
tsa batlhanka a ikgatholosa tsa ba losika la bogosi
borangwaneagwe ba ba neng ba tshwanetse go mo gakolola.
Tiragalo e ke kgwetlho ka e le yone e dirileng gore ditiragalo di
tseye seemo se sele mo motshamekong.
Tiragalo e e mmakela kgotlhang ya motho le tikologo ka jaana
borangwaneagwe le Bakwena ba sa amogele seo ka se le
kgatlhanong le puso ya Sekwena. O tswelela ka go kgotetsa
kgotlhang ka go laola gore bana ba ga Ramodi ba bolawe le fa
ba ne ba iphalotsa. BoMolotlhanyi ba ne ba rongwa gore ba ye
go ba bolaya mme ba feta ba ba rutha ka dithobane, ba ba
tshubela le matlo mme ba tshaba mo motseng. Motswasele e le
kgosi ga go solofelwe gore a kgokgontshe morafe ka e le ene a
tshwanetseng go o dibela.
Kgotlhang ya ga Motswasele le tikologo e kukela fa a laola
barongwa go gapela mogatsa Moilwe dikgomo le gore a bolawe
ga a ka gana ka tsone se se neng sa se ka sa itumedisa Bakwena
segolo jang ba losika la bogosi. Ga re solofele gore a gapele
batho ba gagwe di tsabone segolo e ka bo e le ene a ka bong a ba
thusa.
Lekgamu la ga Moruakgomo ga ba amogele se se dirilweng ke
Motswasele mo go mogatsa Moilwe mme kgosi Motswasele o
tswelela ka go dira ditiro tse di botlhoko mo morafeng jaaka a
rerisana le batlhanka boMolotlhanyi, Diratsagae le Leapetswe
gore ba tlhapaole Moruakgomo le Sejo gore e re ba bua a bo a
ba kgwathisa. Ga re solofele gore a rotloetse kgokgontsho ya
mothale o e le kgosi.
Motswasele o tsweledisa kgotlhang ka go tloga a reetsa
Molotlhanyi a mo raela gore a pelompegele Maleke ka gore a
bolawe go twe o botlhabetsi mo pusong ya gagwe. Ka e le kgosi
, ga go solofelwe gore a tseye batho bangwe ka letsogo la
molema.
Tlhoko kutlwisisano e golela pele fa gare ga Bakwena le kgosi
ya bone. Ba lekgamu la ga Moruakgomo segolo jang ba bogosi
ba tsaya maikarabelo a go a go bua le kgosi Motswasele e le
tsela ya go batla kgololesego le kagiso mme ga a ba reetse. Se
ga se solofelwe mo kgosing ka e le thotobolo e olela matlakala.
Fa a sa reetse jalo ba feletsa ba bolotsa ntwa kgatlhanong le
kgosi Motswasele e le tsela ya go leka go rarabolola marara a a
ba farafereng a go kgokgontshiwa. Ba a neng a ba ikantse,
barongwa le Molotlhanyi ba a mo tlhanogela,balatedi ba gagwe
ba fokotsegela mo lekgamung la ga Moruakgomo.
Potso e re tlang re e ipotsa ya gore Motswasele o ya go felela
kae e arabesega fa setlhoeng fa jaanong Motswasele a bolawa
ke Moruakgomo ka sebele mo ntweng. Ditiragalo tsa
motshameko di bo di tla kwa phelelong gone fa setlhoeng.

8. Maikutlo a mokwadi
Maikutlo a mokwadi ke afe ka babusi ba ba sa buseng merafe ya
bone sentle?
Mokwadi o kgala babusi ba ba sa buseng merafe ya bone sentle.
Maikutlo a a senolwa ka kgosi Motswasele. Mokwadi o
dirisitse ditsela tse di latelang go supa gore o a kgala: teo ya
leina, tshenolo ya botho, tiriso ya puo, kobiso le maduo.
Ka mokwadi a kgala babusi ba ba sa buseng merafe ya bone
sentle o dirisa teo ya leina. Mokwadi o file kgosi leina la tshotlo
a re Motswasele. Leina le le raya gore ke motho yo o tswang go
sele, ke gore yo go sa tlhaloganyesegeng gore mo bogosing o
tsene jang ka ditiro tsa gagwe di sa tsamaelane le maemo a a mo
go one. Motswasele ke mo-tswa-go-sele tota ka gobane o busa
ka go bolaya batho e bile a nyatsa ba losika lwa bogosi a bo a
itlhophela go reetsa malope se e leng gore se kgatlhanong le
tsamaiso ya bogosi.
Mokwadi o tswelela ka go supa go kgala babusi ba mofuta o ka
go dirisa tshenolo ya botho. O senotse Motswasele ka botho jo
bo leswe. O mo supa a le setlhogo ka o ne a bolaya batho ba
gagwe jaaka a laotse polao ya ga Maleke, mogatsa Moilwe le
Moruakgomo. O mo supa gape a le pelotshetlha ka a sa
kgotsofalele tse a nang le tsone jaaka go twe o ne a tseela batho
basadi,a tsaya gape le dikgomo tsa ga mogatsa Moilwe.
Mokwadi o tsweletse ka go supa fa a kgala babusi ba mofuta o
ka tiriso ya puo. O dirisa puo ya tshotlo le tlaopo ka batshameki
ba bangwe. Sebolai o raya Diratsagae a re Motswasele ke
sematla sa nnete. Moruakgomo o tlaopa Motswasele fa a rakana
le ene kwa ntweng a re “O eng mo dilong? A o Mokwena yo
mogolo wa rona kana o setshosi se segolo sa mono?”
Tsela e nngwe e mokwadi a e dirisang go supa fa a kgala batho
ba mofuta o ke ya kobiso. Mokwadi o supa Motswasele a roma
barongwa ba gagwe go bolaya ba bogosi ba akaretsa mogatsa
Moilwe, Maleke a bo a leka gore booraRamodi le Moruakgomo
ba bolawe a ipolelela gore ke gone jaaka jaaka a sireletsa setilo
sa gagwe sa bogosi. Yone tsela e a reng o sirelatsa bogosi jwa
gagwe ka yone ke yone e dirang gore a se fologe ka
boMoruakgomo ba ipopa ba bo ba mo tlhasela ba mo rola setilo
se a neng a re o a se sireletsa. O ne gape a ikgogomosa a bolela
fa Bakwena ba t laa mo tlamela fa go tlhagoga mathata mme seo
ga se a ka sa diragala ka bangwe jaaka Molotlhanyi ba ne ba mo
tlhanogela fa ntwa e phagetse.

You might also like